Philippians 1

1Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo le Timotheo batlhanka ba ga Jesu Keresete. Ba kwalela: Badisa ba diputhego le batiakone le Bakeresete botlhe mo Filipi.

2A Modimo o lo segofatse lotlhe. Ee, ke rapela gore Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete a neye mongwe le mongwe wa lona masego a magolo a gagwe, le kagiso ya gagwe mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona.

Go rapela le go leboga

3Go lo rapelela ga me gotlhe go tletse go baka Modimo! 4Fa ke lo rapelela, pelo ya me e tlala boitumelo, 5Ka ntlha ya thuso ya lona e ntle mo go itsiseng Mafoko a a Molemo kaga Keresete go tloga nako e lo neng lo a utlwa ka yone go fitlha gompieno. 6Mme ke tlhomamisa gore Modimo o o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tlaa lo thusa go gola mo tshegofatsong ya one go fitlhelela tiro e kgolo mo go lona e fela ka letsatsi la fa Jesu Keresete a boa.

7Go ntshiametse jang go ikutlwa jaaka ke ikutlwa kaga lona, gonne lo na le bonno jo bo faphegileng mo pelong ya me. Re abelanye masego a Modimo rotlhe, fa ke le mo kgolegelong le fa ke dule, ke femela boammaaruri ebile ke bolelela ba bangwe kaga Keresete.

8Ke Modimo fela o o itseng boteng jwa lorato lwa me le go lo tlhwaafalela, ka lorato lwa ga Jesu Keresete. 9Thapelo ya me ka lona ke gore lorato lwa lona lo oketsegele ba bangwe, lo bo lo gole mo kitsong ya semowa le mo temogong.

10Gonne ke batla gore ka nako tsotlhe lo bone sentle pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, le gore lo bo lo nne phepa ka fa teng, go se ope yo o ka lo nyatsang go tloga jaanong go fitlhelela Morena wa rona a tla.

11Tswelelang ka go dira tshiamo ka nako tsotlhe, dilo tse di molemo tse di supang gore lo bana ba Modimo gonne se se tlaa tlisa pako e kgolo le kgalalelo mo Moreneng.

Go tshwarwa ga ga Paulo mo go hutsahaditseng

12Mme ke rata gore lo itse se, bakaulengwe ba ba rategang: sengwe le sengwe se se ntiragaletseng kwano e ne e le botswelelo pele jo bogolo mo go boleleng Mafoko a a Molemo kaga Keresete. 13Gonne mongwe le mongwe kwano, le kwa masole otlhe a nnang teng ba itse gore ke mo dikgoleng fela ka ntlha ya gore ke Mokeresete. 14Mme ka ntlha ya go tshwarwa ga me Bakeresete ba le bantsi kwano ba bonala ba tlogetse letshogo la bone la go tshwarwa! Ka tsela nngwe bobelotelele jwa me bo ba kgothaditse mme ba pelokgale thata mo go boleleleng ba bangwe kaga Keresete.

15Ba bangwe, ee, ba rera Mafoko a a Molemo ka ntlha ya gore ba fufegela tsela e Modimo o ntirisang ka yone. Ba batla go kaiwa e le bareri ba ba senang poifo! Mme ba bangwe ba na le maikaelelo a a phepa, 16
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bafilipi 1:17.
17
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bafilipi 1:16-17.
ba rera ka ntlha ya gore ba a nthata, gonne ba itse gore Modimo o ntlisitse kwano go ntirisa go femela boammaaruri mme bangwe ba rerela go ntira gore ke fufege, ba gopola gore go fenya ga bone go tlaa ntsifatsa bohutsana jwa me mo kgolegelong!
18Mme le fa maikaelelo a bone e ka ne e le eng, boammaaruri ke gore Mafoko a a Molemo kaga Keresete a a rerwa ebile ke a itumela. 19Ke tlaa nna ke ntse ke itumela, gonne ke itse gore fa lo nthapelela, le Mowa O O Boitshepo o nthusa, mo gotlhe go tlaa fetoga polokego ya me. 20Gonne ke tshela mo tebelelong ya tlhwaafalo le tsholofelo ya gore ga ke kitla ke dira sepe se se tlaa dirang gore ke itlhabelwe ke ditlhong mme ke tlaa nna ke ipaakanyeditse go bua kaga Keresete ka bopelokgale fa ke santse ke tsweletse mo ditekong tse kwano; fela jaaka ke ne ke ntse mo lobakeng lo lo fetileng; mme ke tlaa aga ke tlotlega mo go Keresete, e ka ne e le ka botshelo kgotsa ka loso. 21Gonne mo go nna, go tshela go raya dipako tsa ga Keresete, mme go swa, go siame bogolo!

22Mme fa go tshela go ka nnaya lobaka lo lo ntsi go gapela batho mo go Keresete, foo, tota ga ke itse gore go botoka eng, go tshela kgotsa go swa! 23Ka dinako tse dingwe ke batla go tshela mme ka dinako tse dingwe ga ke batle, gonne ke tlhwaafalela go ya go nna le Keresete. Go ka nna boitumelo jang mo go nna go na le go nna kwano! 24Mme boammaaruri ke gore ke ka nna le thuso thata mo go lona fa ke nna!

25Ee, ke santse ke tlhokega mo lefatsheng leno, mme jalo ke ikutlwa ke tlhomamisa gore ke tlaa nama ke le mo lefatsheng go se kae, go lo thusa go gola lo bo lo itumela mo tumelong ya lona. 26Go nna kwano ga me go tlaa lo itumedisa go ba go lo naya mabaka a go galaletsa Keresete Jesu ka go mpabalela, fa ke lo etela gape.

27Mme le fa e le eng se se ka ntiragalelang, gakologelwang ka nako tsotlhe go tshela jaaka Bakeresete ba tshwanetse go tshela, gore, fa ke ka lo bona gape kgotsa ke se kake ka lo bona, ke tlaa nna ke utlwa dipego tse di siameng gore lo eme ka maikaelelo a le mangwe fela a a nonofileng, go bolela Mafoko a a Molemo, 28lo sa boife sepe, go sa re sepe gore baba ba lona ba ka dirang. Ba tlaa bona se e leng sesupo sa gore ba fentswe, mme mo go lona e tlaa nna sesupo se se bonalang sentle se se tswang kwa Modimong gore o na le lona, le gore o lo neile botshelo jo bo sa khutleng ka ene. 29Gonne lona lo neilwe tshwanelo e seng ya go mo ikanya fela mme e leng go mmogela. 30Re mo ntweng e mmogo. Lo mponye ke mmogela mo lobakeng lo lo fetileng; mme le gompieno ke santse ke le fa gare ga ntwa e kgolo e e boitshegang, jaaka lo itse sentle.
Copyright information for TsnLEF